1 Ngwanaitseele 2014 Boitekanelo • Tlhabololo ya Metseselegae • Ditiro • Pabalasego le Tshireletsego • Thuto Vuk’uzenzele Lefapha la Ditlhaeletsano (DoC) Setswana/English Go tswa Union Buildings Malapa a mašwa a bagodi ba sesole tsebe 9 tsebe 3 Imbizo ya Moporesitente e naya baagi tsholofelo Moporesitente Jacob Zuma o buisana le Thulebone Maphumolo le bomonnawe ka nako ya Imbizo ya Moporesitente. More Matshediso Malapa a le mararo a a tlhokometsweng ke bana kwa Mbali kwa Pietermaritzburg, a nnile le tšhono e e sa bonweng bonolo ya go bolelela Moporesitente Jacob Zuma ka mathata a bona fa a ne a etetse lefelo leo jaaka karolo ya Imbizo ya Moporesitente. M oporesitente o rile o hutsafaditswe ke mosimane wa khutsana yo o rweleng maikarabelo a go godisa bomonnawe a santse a tsena se- kolo. "Thulebone Maphumolo ke ene yo mogolo mo lelapeng la gaabo. O leka go ithuta... o leka go dira, mmogo le go golaganya lelapa la gaabo," go boletse Moporesitente, fa a ne a bua kwa imbizo e e neng e tshwaretswe kwa Yunibesithi ya Thekenoloji ya Durban, kwa Khamphaseng ya Indumiso. Vuk’uzenzele Maphumulo yo a nnang mo ntlong ya RDP kwa Mbali 2, kwa Pietermaritzburg le bomonnawe ba le bararo, o rile o ne a sa solofela gore Moporesitente a ka etela kwa gaabo. Mosimane wa dingwaga tse 21 a re o ne a tshogile fa Moporesitente Zuma a tsena kwa gaabo. "Maemo a re tshelang mo go ona kwa lapeng ga a siama. Ke nna yo mogolo kwa lapeng mme ke tlhokometse bonnake ba bararo ba dingwaga di le 12, 10 le di le supa. Ba tsena sekolo mme le nna ke moithuti kwa kholetšheng ya FET," o ne a rialo. "Ga re na lotseno. Bonnake ga ba amogela madi a thuso ya loago. Bontsi jwa nako re amogela dikatso le tshegetso go tswa mo baagisaneng, fela ka dinako dingwe ke dira ditironyana tsa nakwana mafelo a beke go netefatsa gore re tswelela go tshela," o ne a tlaleletsa. Maphumolo o ithutela Tipoloma ya Human Resources, fela o rata BCom. Accounting ka ntlha ya fa a batla go nna ramatlotlo letsatsi lengwe. "Ke simolotse khoso eno ka Seetebosigo monongwaga mme ke dirile kopo ya kadimo ya Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti. Ke solofetse go konosetsa khoso ngwaga o o tlang ka Sedimonthole," o ne a rialo. Moporesitente o rile puso e tla tlhokomela lelapa la gaabo Maphumolo, gore a kgone go ithutela khoso e a e ratang ka 2015 fa badire- ke MAHALA Ngwanaitseele 2014 diloago ba tla tlhokomela bomonnawe ba le bararo. "Ga ke na mafoko a go tlhalosa ditebogo tsa me ka ntlha ya thuso ya ga Moporesitente Zuma, ke leboga go menagane," o ne a tlaleletsa. Ditona di feta 10 tse di neng di tsenetse imbizo ya Moporesitente, e e leng ya ntlha e e rulagantsweng ke tsamaiso e ntšhwa, di ne le tsona tsa etela magae a a farologaneng mo diwateng tse di farologaneng go ralala Pietermaritzburg, pele ga go buisana le baagi. Moporesitente Zuma, yo a neng a bua le baagi ba ka nna 2 000 go tswa mo toropong kwa tenteng e e neng e tlhomilwe kwa mabaleng a metshameko a khamphase, o rile tshweetso ya puso ya go tshwara imbizo e dirile gore baeteledipele ba naga ba nne le tšhono ya go reetsa matshwenyego a baagi. "Re ka se ke ra tswelela go nna re re re a dira mme re sa itse gore a batho ba amogela ditirelo kgotsa nnyaya. Re tshwanetse go tshwara imbizo le batho gore re utlwe dipotso gongwe dingongorego tsa bona," Moporesitente Zuma o ne a rialo. Ka nako ya imbizo, baagi ba ne ba bua ka mathata a bona a tlamelo ya ditirelo mme Moporesitente o ne a re a tla isiwa kwa mafapheng a a maleba mme puso e tla netefatsa gore go samaganwa nao. O rile leeto la gagwe le le latelang go tla kwa lefelong leo le tshwanetse go tla ka dikgang tse di monate, ka ntlha ya fa puso e tla bo e samagane le dintlha tse dintsi. Euginia Mbeje wa kwa Ashdown, kwa Pietermaritzburg o rile o itumeletse gore Moporesitente Jacob Zuma o etetse toropo ya gaabo. "Nna ke akanya gore puso e re diretse go le gontsi mo toropong ya rona. Mathata a mantsi a rona ga a tlhole a le teng... re amogetse ditirelo di le dintsi go tswa mo pusong. Bakhanselara ba rona ba a leka e le ruri, fela go sa ntse go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa," Mbeje o ne a rialo. Mme yo wa dingwaga di le 64 o rile mafapha a a farologaneng a puso a tlhola a etela baagi malebana le mananeo a tlamelo ya ditirelo. "Lori ya Lefapha la Merero ya Selegae e tla mo motseng wa rona go tla go thusa batho ba ba nang le mathata ka makwaloitshupo a bona le ditifikeiti tsa botsalo. Gape badirediloago ba thusa ka merero e e farologaneng mo motseng wa gaetsho," o ne a rialo. Mbeje o rile le fa a itumedisiwa ke tlamelo ya ditirelo ya puso ga jaana, tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi le bosenyi di sa ntse di tshwenya bontsi mo motseng. O ne gape a re a ka itumela fa puso e ka tsosolosa ditlamelo tsa metshameko le diholo mo toropong gore di ungwele bašwa. Tlhagisa maikutlo a gago kgatlhanong le tirisodikgoka mo basading le mo baneng Albert Pule P uso e ikuela mo maAforika Borweng otlhe, bogolo segolo banna, go tshegetsa letsholo la Matsatsi a le 16 a Bolwelwaditshwanelo kgatlhanong le Tiririsodikgoka mo Basading le mo Baneng, le le simololang ka la bo 25 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 10 Sedimonthole. Ngwaga le ngwaga, ka nako eno, puso le mekgatlho ya baagi ba dira mmogo go lemosa batho ka ditlamorago tsa tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le bana. O ka dira eng ka nako ya letsholo? • Apara lente le lesweu mo pakeng eno ya matsatsi a le 16. Lente le lesweu ke letshwao la kagiso mme le bontsha maitlamo a moapari gore a ka seke a diragatsa gongwe go tshegetsa tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le bana. • Ithaope kwa mokgatlhong o e seng wa puso gongwe setlhopha sa baagi se se tshegetsang basadi le bana ba ba sotlakakiwang. • Dira dikabelo kwa mekgatlhong e e direlang go fedisa tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le bana. • Tlhagisa maikutlo a gago kgatlhanong le tirisodikgoka mo basading le mo baneng. Rotloetsa batswasetlhabelo ba ba didimetseng ba basadi go bua ka tshotlakako mme o netefatse gore ba bona thuso. Bega tshotlakako ya bana kwa sepodising mme o rotloetse bana go begela bothati jwa sekolo fa ba bogisiwa ke bankane kwa sekolong. • Banna le basimane ba rotloediwa go bua ka tshotlakako le go se rotloetse mekgwa ya tshotlakako. • Batla thuso fa e le gore o sotlakaka molekane wa gago le/gongwe bana mo maikutlong, mo mmeleng gongwe ka thobalano. O ka bona thuso kae? Fa o sotlakakiwa gongwe o itse mongwe yo a sotlakakiwang o ka letsetsa: • Mogalathuso wa Bosetšhaba wa Ditlalelano (Lifeline) - 0861 322 322. • Mogalathuso wa Kgaotso ya Tirisodikgoka mo Bathong ba Bong jo bo Rileng - 0800 150 150. • Batho ba ba Leng Kgatlhanong le Pogiso ya Basadi (Powa) - 011 642 4345. • Mokgatlho wa tsa Malapa le tsa Manyalo wa Aforika Borwa (Famsa) - 012 4600733. • Mokgatlho wa Bosetšhaba o o Kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading 012 321 4959. • Thobomaikutlo le Tshegetso mo Baneng(Childline) - 0800 055 555. • Matsholo a banna ba ba tshegetsang gore go seke ga dirisiwa dikgoka: Porojeke ya Banna jaaka Balekane 011 833 0504. . . . fela e fetise fa o feditse 2 Ngwanaitseele 2014 Vuk’uzenzele Rural DIKGANG Development TSE DI AKARETSANG Matseno a mantšhwa a kgwebo kwa KwaZulu-Natal Chris Bathembu Jaanong Boemelak epe jwa Kgwebisano jwa Dube kwa Durban ke Kgaolo ya Tlhabololo ya Madirelo (IDZ) ya semmuso. E tsena mo dikgaolong tsa ikonomi tse di tshwanang le tseo di le tharo go ralala naga. Moporesitente Jacob Zuma o neetse Boemelakepe jwa Kgwebisano jwa Dube laesense ya go dira ya IDZ e e supang tshimologo ya kgaolo e e setseng e ngoketse dipeeletso tsa boleng jo bo ka atumelang R1 bilione fa e sale e bulwa ka 2012. "Eno ke kgato e nngwe mo tirong ya rona ya go tlhama ditiro tse dingwe tse di tla namolang lehuma mo bathong ba rona," Moporesitente Zuma o ne a rialo kwa moletlong kwa Boemelafofaneng jwa Boditšhabatšhaba jwa Kgosi. IDZ ya Boemelakepe jwa Kgwebisano jwa Dube ke ya sešweng mo dikgaolong tse di kgethegileng tsa ikonomi tse di anamisiwang bosetšhaba tse maikaelelo a tsona e leng go godisa ikonomi ya naga go fitlhelela phitlhelelo e e beilweng ya kgolo ya diphesente di le tlhano ka 2019. Jaaka IDZ ya ntlha ya Durban, IDZ ya Boemelakepe jwa Kgwebisano jwa Dube e tsena mo lenaaneng la diporojeke tse dingwe tse di Moporesitente Jacob Zuma o ne a neela semmuso laesense ya go dira ya Kgaolo ya Tlhabololo ya Madirelo (IDZ) kwa Boemelakepe jwa Kgwebisano jwa Dube. O bonwa fano le (go tswa molemeng) Motlatsatona wa Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri Mzwandile Masina, Tona Rob Davies , Tonakgolo ya KwaZulu-Natal, Senzo Mchunu, Ratoropo wa Teropokgolo ya Ethekwini James Nxumalo le Bridgete Gaza, Modulasetilo wa Boemelakepe jwa Kgwebisano jwa Dube. tshwanang le eo, tse di ngoketseng dipeeletso tse di tlhakaneng tse di fetang R5 bilione kwa Port Elizabeth, East London le Richards Bay. Go ya ka Mokaedikakaretso wa Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri, Lionel October, dikgaolo tse di rileng tsa ikonomi tse dingwe di tla atolosediwa go ralala naga jaaka puso e maatlafatsa maikemisetso a go dira gore ikonomi ya Aforika Borwa e tlale madirelo jaaka go tlhokega go ya ka Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba. Go lebeletswe gore IDZ ya Boemelakepe jwa Kgwebisano jwa Dube e fetole KwazuluNatal go nna matseno a botlhokwa a kgwebo le monnileseabe wa botlhokwa mo tlamelong ya dithoto lefatshe ka bophara. Dikarolo di le pedi tsa peeletso – mo Kgaolong ya Kgebisano ya Dube le mo Kgaolong ya Temo ya Dube - di tla nna botlhokwa thata mo katlegong ya IDZ. Maphata a magolo a a supilweng a akaretsa go dira le go gokaganya tsa eleketeroniki, madirelo a a amanang le tsa lefaufau le diphofo, temothuo le boapei jwa dijalwa, tlhagiso ya melemo mmogo le ya diaparo le masela. Moporesitente Zuma o rile Boemelakepe jwa Kgwebisano jwa Dube bo tla tlhama ditiro di feta 150 000 ka 2060, mme ka ngwaga oo go solofetswe fa tlhabololo e tla tsenya R5,6 bilione mo Palogotlhe ya Boleng jwa Dikuno tsa Naga. "Boemelakepe jwa Kgwebisano jwa Dube ke e nngwe ya dikgang tse di monate di ka tlotliwang. Re ikemiseditse go tlhama lefelo le le itumedisang babeeletsing. Re tla tswelela go tokafatsa dikgato tsa tshegetso ka dikgaolo tse di kgethegileng tsa ikonomi mmogo le didirisiwa tse dingwe tsa ikonomi," o ne a tlaleletsa jalo. Tona ya Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri, Rob Davies o rile mokgwa wa dikgaolo tse di kgethegileng tsa ikonomi o supegile fa e le sediriswa se se botlhokwa se se tsweletsang tlhabololo ya madirelo le go anamisiwa ga ikonomi mo Aforika Borwa le kwa dikarolong tse dingwe tse dintsi tsa lefatshe. "Tseno ke madirelo a thata a tshegetsang mebaraka ya rona ya thomelontle mme a fitlhelwa kwa maemelakepeng le kwa maemelafofaneng. Mo tsamaong ya tsamaiso ya maloba re ne ra sekaseka gore re ka fitlhelela eng mo lenaaneng la dikgaolo tse di kgethegileng tsa ikonomi. Di-IDZ di le tharo tse di dirang ga jaanong (kwa Port Elizabeth, East London le Richards Bay) jaanong di ngoketse dipeeletso tsa boleng jwa palogotlhe ya R5 bilione mme go raya gore togamaano eo e a dira," go ne ga rialo Tona Davies. O rile puso e mo thulaganyong ya go tlhoma Boto ya Dikgaolo tse di Kgethegileng tsa Ikonomi, e e tla gakololang Tona ka go tsenngwa tirisong le kgoeletso ya dikgaolo tse di kgethegileng tsa ikonomi. Moporesitente o rile batho ba KwaZulu-Natal ba tla lekanyetsa katlego ya tlhabololo e ntšhwa ka tsela e e tla fetolang matshelo ka gona ka go tlhama ditiro. R1bilione ya go aga le go toka- Lefapha la Tlhabololo ya Loago thusa monna yo a nang le fatsa ikonomi ya metsesetoropo le bogole Nosihle Shelembe Puso ya Gauteng e tla beeletsa go feta R1 bilione go aga le go tokafatsa dikago tsa ikonomi ya metsesetoropo mo dingwageng di le tlhano tse di latelang. “R e batla go dira gore ikonomi ya metsesetoropo e nne le seabe sa botlhokwa mo ikonoming ya Gauteng. Re batla gore 30% ya ikonomi ya Gauteng e nne ledikgwebo tsa metsesetoropo," go buile jalo Tonakgolo ya porofense, David Makhura. O tlaleleditse ka gore puso e batla go menaganya ikonomi ya Gauteng gabedi le go e godisa go fitlha go R2 tirilione mo dingwageng tse di tlang di le 15. "Tsosoloso ya ikonomi ya metsesetoropo ke nngwe ya ditsereganyo tsa go fetola, go ntšhwafatsa le go tsosolosa madirelo mo ikonoming ya rona." Fa a ne a bua kwa Samiting ya Tsosoloso ya Ikonomi ya Metsesetoropo kwa Lebaleng la Orlando kwa Soweto, o rile puso e tsibogela ditlhokego tsa bagwebi ba metsesetoropo. Maitlhomo a samiti e ne e le go naya bagwebi ba selegae, bagwebipotlana (di-SMME) le dikoporasi tšhono ya go tshwaela mo Togamaanong ya Tsosoloso ya Ikonomi ya Metsesetoropo. Tonakgolo Makhura o rile Puso ya Porofense ya Gauteng e lebeletse ditsereganyo di le mmalwa, tse di tla thusang go godisa ikonomi ya metsesetoropo. "Re batla go netefatsa gore go na le letlhomeso le le maleba la semolao le le tla laolang... re tlhoka go sekaseka melao mengwe e e sa tsweletseng kgolo ya di-SMME le bagwebi ba metsesetoropo. "Re batla go tsweletsa ditiro tse di mosola mo metsesetoropong, re tshwanetse go tlhagisa ditlhagisiwa le ditirelo mo metsesetoropong." Ditsereganyo tse dingwe di akaretsa go akofisa tlhabololo ya bokgoni, go thusa bagwebi ka ditšhelete mmogo le go beeletsa mo ikonoming ya metsesetoropo. Tona Makhura o rile puso e batla go thusa bagwebi ba kwa metsesetoropong ka phitlhelelo ya mebaraka le ditheko. Mo dikgweding di le tharo tse di fetileng, Tona o nnile le patlomaikutlo mmogo le dipuisano le bagwebi ba metsesetoropo go ralala porofense. "Re etetse metsesetoropo e feta 65 mo Gauteng mme ra utlwa megopolo ya batho ba ba amegang mmogo le tshedimosetso ya sebele go tswa kwa bagwebing ba feta 50 000 malebana le maano le dikeletso tsa bona," Tona Makhura o ne a rialo. Dingwe tsa dikgwetlho tse di lebaneng bagwebi ba metsesetoropo di akaretsa go nna teng ga ditikwatikwe tsa marekelo, tsamaiso ya ditheko e e sa tshegetseng ikonomi ya metsesetoropo mmogo le kgatelelo e e boima ya sepodisi sa metro se se tsayang thekiso ya mo mmileng jaaka bosenyi. "Puso e tlamile bokana ka R60 milione mo ngwageng ono wa ditšhelete go beeletsa mo go ageng mafaratlhatlha a a siameng go kgontsha bagwebi ba metsesetoropo go dira kgwebo ya bona mo seemong se se botoka," ga rialo Tona Makhura. Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa o boleletse bagwebi ba metsesetoropo gore boitlhamedi ke bone jo bo laolang dikgwebo. "Boitlhamedi ke bone jo bo laolang diikonomi. Ke batla gore le tseye nako le akanye gore ke eng sa boitlhamedi se le ka se dirang. Bafenyi mo kgwebong e nngwe le e nngwe ke ba ba itlhamelang, mme ba akanya ka tsela ee seng ya tlwaelo," o ne a rialo. Motlatsamoporesitente Ramaphosa o rotloeditse bagwebi go tokafatsa bokgoni jwa bona gore ba tle ba kgone go buisa dipampiri tsa dikelo tsa ditšhelete, go tlhaloganya ditlankana tsa lotseno mmogo le go lootsa bokgoni jwa go bapatsa gore ba fitlhelele mebaraka. "Dikgwebo tsa metsesetoropo di tshwanetse go nna tsona motheo wa go tlhagisa ikonomi ya naga ka bophara. Le tshwanetse go tlhagisa dilwana mo metsesetoropong mme le di rekise kwa Sandton... le tshwanetse go tswa mo porofenseng le mo nageng le lebe kwa ntle. "Ga re a tshwanela go leba go felela fa fela; ikonomi ya metsesetoropo ke motheo fela. Re tshwanetse go itlhoma jaaka rokete," o ne a rialo. Motlatsamoporesitente o ne a ikuela mo dikgwebong tse dikgolo go tshegetsa ikonomi ya metsesetoropo. Ntlo e e fa godimo ke eo Siyabonga Khumalo le batsadi ba gagwe ba neng ba nna mo go yona pele Lefapha la Tlhabololo ya Loago le ka e tsosolosa. Albert Pule K e dingwaga di le dintsi, Siyabonga Khumalo wa dingwaga di le 21 a sa kgone go tsamaya bonolo mo ntlong le mo patlelong ya ga nkokoagwe kwa Mdeni, Soweto. Ntlo eno ya diphaposi di le nne e ne e sa siamela tiriso ya setiloteti. "Go ne go le boima mo go ene go ka dira sepe gonne patlelo e ne e sa siamela setiloteti mme e bile le setupu sa rona se sena tselana e e tlhatlhogelang le go fologela," ga bua motswala wa ga Siyabonga, Makhosi Khumalo. Seno se fetogile ka ntlha ya tirisanommogo magareng ga mafapha a tlhabololo ya loago, boitekanelo le GVL Construction mmogo le Elliot Mobility. Siyabonga le nkokoagwe ba nna mo ntlong e e sa tswang go ntšhwafadiwa mme e na le patlelo e e nang le bofologelo go dira gore a kgone go tsena le go tswa mo ntlong. Polelo ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago e rile ntšhwafatsho e tla thusa Siyabonga go dira dilo tse a neng a sa kgone go di dira pele. "Ditsereganyo di tla dira tšhono ya gore Siyabonga a tsamaye a ikemetse le go nna le seabe mo dintlheng tsotlhe mo loagong," polelo e tlhalositse. Makhosi a re fa e sa le go ntšhwafadiwa, Siyabonga o gololesegile mme o kgona go itsamaela kwa ntle ga mathata ape. Siyabonga ke yo mongwe wa batho ba le bantsi ba ba nang le bogole bao puso e ba thusitseng e bile e rulaganya go ba thusa. Mo Puong ya gagwe ya Maemo a Setšhaba ya 2014, Moporesitente Zuma o tlamile tsamaiso ya jaanong go dira gore gonne le dipoelo tsa tekatekano mo bathong ba ba nang le bogole. E rile kgwedi morago ga foo ke fa go begwa gore go tlhamilwe Setlhopha sa Tiro sa Moporesitente sa Bogole. Naga e tla tshwaya Kgwedi ya Bosetšhaba ya Temoso ya Ditshwanelo tsa Bogole magareng ga la bo 3 Ngwanaitseele le la bo 3 Sedimonthole mmogo le Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Batho ba ba nang le Bogole ngwaga mongwe le mongwe. Moono wa 2014, ke “Re keteka dingwaga di le 20 tsa ditshwanelo tsa batho ba ba nang le bogole mo Temokerasing ya rona! Mmogo re tsweletsa pele Aforika Borwa ka phetolo ya ka bonako ya ikonomi ya loago. Ngwanaitseele 2014 5 Vuk’uzenzele Boitekanelo Dijo tse di itekanetseng di lebisa kwa bophelong jo bo leele Dingwaga di le 20 tsa go lwantsha HIV/AIDS Noluthando Mkhize Fa lefatshe le keteka Letsatsi la Boditšhabatšhaba la AIDS ka la bo 1 Sedimonthole, Aforika Borwa a ka gakologelwa diphitlhelelo tse dikgolo tse a di fitlheletseng mo go lwantsheng bolwetse jono. D Noluthando Mkhize le Nomaxabiso Tata Fa malwetse a a sa fetelaneng a tshwana le jwa sukiri, kgatelelo ya madi, malwetse a pelo le kankere a tsweletse go fefera lefatshe ka bophara, maAforika Borwa a tshwanetse go itlhokomela gore a ja eng. M oeletsimogolo wa Tikwatikwe ya Boitekanelo ya Baagi ba Eersterust, Erika Spaumer, yo e leng moitseanape wa kalafi ya malwetse a dijo, o atlenegisa go ja maungo le meroro e e foreše mmogo le ikatiso ya gangwe le gape jaaka karolo ya go ja dijo tse di itekanetseng. "Ke eletsa balwetse ka tsela ya go ja dijo tse di itekanetseng ka madi a ba nang nao. Re dira thulaganyo ya dijo tse di ka rekwang ka bontsi di tshwana le reisi, bopi le phasta go boloka madi. Ga ke atlenegise dijo tse di fetotsweng gonne di a tura e bile ga di a itekanela. "Dijo tse di mo metemeng, dijo tse di setseng di segeletswe e bile di le mo dipakaneng, ke dikai tsa dijo tse di fetotsweng. Go botoka go reka merogo e e foreše mme o e itirele ka bowena. Gape ke rotloetsa balwetse go nna le ditshingwana tsa meroro," o ne a rialo. Lelapa lengwe le lengwe le tshwanetse go Se o tshwanetseng go se itse ka ga bolwetse jwa sukiri K a la bo 14 Ngwanaitseele ke Letsatsi la Lefatshe la Bolwetse jwa Sukiri, le maikaelelo a lona e leng go lemosa le go ruta batho ka ga bolwetse jwa sukiri ka ntlha ya fa bontsi jwa batho bo sa ntse bo ise bo lemogwe gore bo na le bolwetse. Go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo, go na le batho ba ba nang le bolwetse jwa sukiri ba ka nna dimilione di le 347 go ralala lefatshe. Bolwetse jwa sukiri ke eng? Bolwetse jwa sukiri ke fa motho a na le seelo se se kwa godimo sa sukiri mo mading. Seno se diragala fa mmele o sa tlhagise insulini e e lekaneng. Kwa ntle ga insulini, mmele ga o kgone go bona maatla ao e a tlhokang go tswa mo dijong. Gantsi, tlhagala e e bidiwang pakerisi e dira insulini, mme yona e isa sukiri e e nna le matsatsi a go sa jeweng nama ka ona gangwe ka beke, moo go jewang dilenthili, dinawa gongwe ditlhagiswa tsa soy, e leng tse di itekanetseng e bile di le tlhotlhwatlase. Tsela ya go apaya dijo Spaumer o atlenegisa gore dijo di fufudiwe, di bedisiwe gongwe di besiwe go na le go gadikiwa. "Fa go tlhokega gore go nne le dijo tse di gadikilweng, bogolo tshasa marago a pitsana ka mafura gonne seno se thusa go laola selekanyo se se dirisiwang sa mafura." O tsibosa kgatlhanong le go gadika dijo mo teng ga mafura gonne fa mafura a bedisiwa a fetola seemo. "Mafura otlhe a merogo a siame fela fa o a bedisia, a fetola seemo mme e nne mafura a a sa siamang. Dijo tse di fetotsweng di diriwa ka mafura a a fetotsweng - mafura a masweu a a thata a a thibang methapo ya mmele wa gago mme seo se ka dira gore o nne le kholesetorolo e e kwa godimo.” Go ja ka dinako tse di sa tlwaelegang Mathata a magolo a a amanang le dijo mo baaging ao Spaumer a lebanang nao ke go ja ka dinako tse di sa tlwaelegang. "Fa o sa je gangwe le gape, mmele wa gago o amogela dijo tse dintsi ka nako e le nngwe fela. Ga o dirise maatla otlhe a dijo mme a fetolelwa go nna mafura. Gape balwetse ba nna le mathata a go laola selekanyo sa ditshola tsa dijo." O rotloetsa gore go dirisiwe sekao sa go ja ka sejana sa go nna le setatšhe se se lekanang fa go jewa dijodigolo tsa letsatsi, se na le mo mading kwa diseleng. Ka bolwetse jwa sukiri, pakerisi e retelelwa ke go tlamela ka insulini e e lekaneng, gongwe insulini ga e dire ka tshwanelo. Mefuta ya malwetse a sukiri Go na le mefuta e megolo e le mebedi ya malwetse a sukiri: Mofuta I, o tlwaelegile ka leina la bolwetse jwa sukiri jwa bana, le Mofuta II, o o tlwaelegileng jaaka bolwetse jwa sukiri jwa bagolo. Mefuta ka bobedi e na le matshwao a a tshwanang, fela a bakwa ke dilo tse di farologaneng. Bolwetse jwa sukiri jwa Mofuta I, jo gantsi bo lemogwang motho e sa le ngwana, ke bolwetse jo mo go jona masole a mmele a tlhaselang le go bolaya disele tse di tlhagisang insulini mo pakerising. Seno se tlogela mmele o se na insulini, e bile o sa kgone go laola seelo sa sukiri mo mading. Bolwetse jwa sukiri jwa Mofuta II ke bolwetse jo bo nnang fa disele tsa mmele di dipela insulini. Mofuta II wa bolwetse jwa sukiri o farologana le Mofuta I ka gore mmele o sa ntse o tlhagisa insulini fela ga e dirisiwe ka tshwanelo. merogo le poroteini ya selekano sa seatla e tshwana le tlhapi gongwe nama ya kgogo. Seneke Go ja diseneke tse dinnye magareng ga dijo go botlhokwa fela jalo. "Diseneke tse di siameng ke maungo a a foreše, yokate ya mafura a a kwa tlase gongwe mašwi. Re atlenegisa gore batho botlhe ba tshwanetse go ja bonnye dikarolwana di le tharo tsa yokate gongwe mašwi ka letsatsi. Diseneke tse dingwe e ka nna popcorn, merogo e e segeletsweng boleele, matokomane a a senang letswai le maungo a a omisitsweng, ka selekano se sennye," ga rialo Spaumer. Go ja ka tsela e e itekanetseng Difitlholo ke dijo tsa botlhokwa tsa letsatsi mme di tshwanetse go akaretsa dijo tse di nang le digwata tse ntsi di tshwana le outsu gongwe borotho jwa korong e ntsi ka mašwi le leungo. Dijo tsa motshegare tse di siameng e ka nna samentšhisi ya borotho jwa korong e ntsi bo sa tshasiwa sepe ka salate mmogo le poroteini e tshwana le tšhisi gongwe nama le leungo. Ka dilalelo, o atlegenisa nama ka merogo gongwe salate gonne tshilo e a iketla fa o robetse mme seo se diegisa tshilo. Spaumer a re maAforika Borwa a tshwanetse go ikilela mo dijong tse di fetotsweng di tshwana le paloni, salami le disopo tsa dipakana tse di tletseng letswai. Seno se akaretsa dijo tse di gadikilweng mo teng ga mafura le dino tse di nang le sukiri ya selekano sa maswana a tee a le magareng ga thataro le robedi. Matshwao Matshwao a bolwetse jwa sukiri a akaretsa: • Go nyorwa ka dinako tsotlhe • Go lapa ka dinako tsotlhe • Go tlhapologa kgapetsa kgapetsa • Go fokotsega mmele • Go babelwa le pono e e letobo Ke mang yo a ka tshwarwang ke bolwetse jwa sukiri? Mongwe le mongwe a ka tshwarwa ke bolwetse jwa sukiri. Go nna mokima thata le fa go na le bangwe ba ba nang le bolwetse jwa sukiri mo lesikeng go ka oketsa matshosetsi. Go ya ka mofuta le gore bolwetse bo tseneletse go le kana kang, bolwetse jwa sukiri bo ka alafiwa ka dijo le ikatiso, gongwe dijo, ikatiso le melemo. Melemo e ka nna meento ya insulini, dipilisi gongwe tsone ka bobedi. Dikgang tse di monate ke gore go tshwarwa ke bolwetse jwa sukiri ga go kae go khutla ga botshelo jwa ka gale jo bo itekanetseng. O tshwanetse go amogela gore o na le bolwetse mme o ithute go bo laola. Tsamaiso le taolo ya sukiri ya madi di botlhokwa thata gonne di thibela gongwe ingwaga di le tlhano tse di fetileng, naga e ne ya tsaya tshweetso ya bopelokgale ya go ntšhwafatsa dipholisi tsa HIV/AIDS mmogo le go tsenya batho ba le bantsi mo kalafing ya dilwantshamegare (di-ARV). Seno se ne sa oketsa go tshela sebaka sa go tshela go tswa go dingwaga di le 52,7 ka 2002 go ya go dingwaga di le 59,6 ka 2013. Go na le maAforika Borwa a feta dimilione di le 2,4 ba ba mo lenaaneng la kalafi ya di-ARV. Ka nako ya Tekanyetsokabo ya gagwe, Tona ya Boitekanelo, Aaron Motsoaledi o itsisitse gore batho ba ba nang le HIV ba ba nang le CD4 count ya 500 ba tla kgona go amogela di-ARV, mme seo sa tlhoma motheo wa diphitlhelelo tse di beilweng ke Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba la gore di-ARV di bo di fitlhelelwa ke batho botlhe ba ba nang le HIV ka ngwaga wa 2030. O ne gape a re malebana le basadi ba ba imileng, Lefapha la Boitekanelo jaanong le tla latela boitlhophelo B+ jwa Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo, jo bo tlhalosang gore moimana mongwe le mongwe yo a nang le HIV o tshwanetse go neelwa kalafo ya go ya go ile go sa lebelelwe seemo sa gangwe sa CD4 count. Ga jaanong, pholisi ya HIV mo nageng e tlhalosa gore baimana ba neelwe di-ARV; batsetse ba neelwe di-ARV, mme ba tswelele go di dirisa fa ba santse ba amusa mme ba emise fela morago ga go emisa go amusa ebile fa CD4 count ya bona e le 350. Pholisi eno e ntšhwa e tla diragadiwa go tloga ka Ferikgong 2015. Gape Lefatshe la Boitekanelo le anamisitse motswako wa selekanyo se se tsepameng se se bidiwang 'tekanyetso e le nngwe' se se nang le emtricitabine, efavirenz le tenofovir. Seno se thusa go fokotsa mokgweleo wa dipilisi mo balwetseng ba ba nang le HIV. Ka Letsatsi la Lefatshe la AIDS, ditšhaba tsotlhe di kopana go oketsa temoso malebana le bolwetse mmogo le go rotloetsa mongwe le mongwe go tsaya maikarabelo a boitekanelo jwa gagwe ka go diragatsa thobalano e e babalesegileng le go dira diteko tsa HIV. go fokotsa kotsi ya gore bolwetse bo ka nna marara. Seelo se se kwa godimo thata sa sukiri mo mading (hyperglycemia) se ka baka malwetse a diphio, matlho, pelo, methapo ya madi mmogo le malwetse a mangwe. Kwa ntle ga tsamiso e e siameng, go ka lebisa kwa bolwetseng jwa pelo, diphio, bofofu tota le go kgaolwa dirwe. Dijo tse di itekanetseng ke motheo wa taolo e e siameng ya sukiri ya madi mo mofuteng mongwe le mongwe wa bolwetse jwa sukiri, tota le kwa ntle ga melemo mo mabakeng mangwe. O ka ne o alafiwa ka meento ya insulini gongwe dipilisi, o sa ntse o tlhoka go latela tsela ya go ja e e amogelesegang. Go tlhokega ikatiso ya ka gale ya magareng ga gararo le gane ka beke, sebaka sa metsotso e le 20-50 gore o nne le boitekanelo jo bo siame. Seno se akaretsa: • Go palama le go fologa ditepisi go na le go palama lifti. • Go tsamaya ka moato go ya mabentleleng go na le go tsamaya ka sejanaga. • Go tlola kgati makgetlo a le 50 –100 ka letsatsi. Motswedi: Lefapha la Boitekanelo la KwaZulu-Natal. Ngwanaitseele 2014 9 Vuk’uzenzele TLAMELO YA DITIRELO Go direla baagi botoka Albert Pule Jaanong baagi ba tla itemogela pusoselegae e e tokafetseng le go amogela tirelo e e kgotsofatsang le ya boleng jo bo siameng. T ona ya Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso, Pravin Gordhana, yo o buileng kwa Samiting ya Moporesitente ya Pusoselegae fa gautshwane, o rile makgotlatoropo a tla dirisa matlole a setšhaba ka kelotlhoko, a thape badiri ba ba nang le bokgoni, a netefatse gore go direlwa dilo mo pepeneneng le go ikarabela mo bathong ba a ba direlang. O rile go tla baakanngwa diroboto, dithepe tse di dutlang mmogo le mabone a mebila; go tla segiwa tlhaga mme mesima e e mo mebileng e tla thibiwa. "Dingongorego ke gore ga re ise batho tlhogong mme gantsi re tsaya sebaka go tsiboga. Ka dinako dingwe re tsaya matsatsi a le mararo go tsibogela sengwe se se neng se ka tsaya letsatsi. Re tlhoka go fetola seo mme re tsibogele mathata ka nako," ga rialo Tona Gordhan. O ne a tlaleletsa ka gore makgotlatoropo otlhe a tshwanetse go dira ka natla go feta, a direle baagi ka tsela e e farologaneng mme a tsibogele matshwenyego a bona mo nakong e e amogelesegang. Tona Gordhana o rile gore pusoselegae e dire sentle le go nna le dipoelo tse di molemo mo matshelong a baagi, boeteledipele jwa sepolotiki le batsamaisi ba tshwanetse go nna le seabe sa botlhokwa. "Rotlhe re na le maikarabelo a go fetola ma- tshelo a batho le go tlhamela ikonomi ponelopele e e botoka." Samiti e itlamile go boela kwa motheong le go dira dilo tse di bonolo sentle. Go thusa pusoselega go tswelela pele, puso ya bosetšhaba e tla tshegetsa, ela tlhoko, tsereganya le go etefatsa gore go obamelwe melawana le seemo. Baemedi kwa samiting ba akareditse boeteledipele jwa pusoselegae go ralala naga, ba ba itlamileng ka tse di latelang: • Go diragatsa lenaane la Re boela kwa Motheong. • Go tlhama seemo sa botshelo jo bo seriti ka go tswelela go tlamela ka ditirelo tsa makgotlatoropo tsa boleng le seemo se se siameng. Seno se akaretsa go loga maano le go tlamela ka dikago le ditlhokego. • Go netefatsa taolo e e siameng le tsamaiso e e lolameng, go fokotsa tshenyo, go dirisa madi a setšhaba ka kelotlhoko, go thapa badiri ba ba nang le bokgoni, le go netefatsa gore dilo di direlwa mo pepeneneng le ka maikarabelo. Go netefatsa gape gore go thibelwa bobodu mme bo tomolwa mo magatong otlhe. • Go netefatsa tsamaiso e e siameng ya matlole Bathandwa Mbola Puso e tla diragatsa lenaane la Re Boela kwa Motheong le le netefatsang gore maAforika Borwa a amogela ditirelo tsa ka gale tsa makgotlatoropo. Go dira tsa motheo ka tshwanelo G o buisana le baagi, go tshwara dikopano tsa gangwe le gape tsa ratoropo, le go reetsa matshwenyego a baagi ke dingwe tsa dintlha tse di dirang gore Lekgotlatoropo la Selegae la Steve Tshwete le atlege. Seno ke go ya ka Ratoropo wa Lekgotlatoropo la Selegae la Steve Tshwete, Mike Masina yo a neng a abelana kgang ya gagwe ya katlego le baemedi kwa Samiting ya Moporesitente ya Pusoselegae. O ne a tlhalosa gore lekgotlatoropo le ne la tshwanela go kgona tsa motheo mmeseo ke sona se dirang gore le bo le le mo makgotlatoropong a a diragatsang go gaisa. Lekgotlatoropo le fitlhelwa kwa Kgaolong ya Nkangala kwa Porofenseng ya Mpumalanga mme le akaretsa lefelo la bogolo jwa 3 993 km². Le na le dioto di le 29 tse di nang le magae a le 64 971. Fa e sale ka 2006, lekgotlatoropo le gapile dikgele di le 15. Dikgele di akaretsa Dikabo tsa Boruni jo bo Lolameng tsa 2012/13, Dikabo tsa Boruni tsa 2011/12, Dikabo tsa Boruni jo bo Lolameng tsa 2010/11, Dikabo tsa Boruni jo bo Lolameng tsa 2009/10 mmogo le Bafenyi ba Makgotlatoropo a a Dirang Sentle mo go Phepafatseng Tikologo mo Mpumalanga mmogo le Dikabo tsa Boruni jo bo Lolameng jwa Mekgatlho ya Dipusoselegae tsa Aforika Borwa tsa 2009. Ratoropo Masina a re lekgotlatoropo le tlhamile togamaano e e tlhamalatseng ya tlhaeletsano go netefatsa gore baagi ba itsesewe ka maano le dikgwetlho tsa lona. "Re na le tirisanommogo ya tiro e e siameng le bobegakgang jwa kgatiso le jwa eleketeroniki. Ke na le kholomo e ke ye kwalelang mo Middelburg Observer, e leng lekwalodikgang la selegae, moo ke itseseng baagi ka ga maano a rona beke nngwe le nngwe," o ne a rialo. Go ya ka Ratoropo Masina, tlhaeletsano le baagi ke mooko wa go tila ditshupetso tse di ka nnang gona mmogo le dikhuduego tsa tlamelo ya ditirelo. "Fa o tshola baagi ba itse ka maano a gago, o setse o samagane le kgonagalo ya gore ba ka dira ditshupetso ka ntlha ya fa ba itse maano a lekgotlatoropo." O tlaleleditse ka gore lekgotlatoropo gape le na le seloto sa radio ko Middelburg FM koo bakhuduthamaga ba buang ka mananeo le dikgwetlho tsa lekgotlatoropo gona mme gape ba amogela ditshwaelo tsa baagi. Mokgwa o mongwe wa tlhaeletsano o o dirisiwang ke lekgotlatoropo ke mogala wa SMS. Mogala o dirisediwa go itsese baagi ka ga dikitsiso dipe tsa potlako, go akarediwa go kgaoga ga motlakase le metsi. Ratoropo Masina o rile lekgotlatoropo le tshwara dikopano tsa ratoropo gangwe le gape koo lefapha lengwe le lengwe le begang ka dikatlego le dikgwetlho tse di itemogetsweng. Ratoropo o tlhagisitse gape gore kwa Lekgotlatoropong la Selegae la Steve Tshwete, seabe le maikarabelo a baamegi le batsamaisi di tlhalositswe sentle. "Se re se fitlheletseng sentle ke go tlhalosa seabe le maikarabelo a botlhe ba ba mo kantorong ya sepolotiki le batsamaisi ba rona. "Jaaka ratoropo, seabe le maikarabelo a me di tlhalositswe sentle, mme go fela jalo le ka batsamaisi le Mmusakgotla. Mongwe le mongwe o itse se go solofetsweng gore a se dire." Ratoropo Masina o dumela gore fa makgotlatoropo a mangwe a ka tlhaeletsana le baagi ba ona, a thapa batho ba ba nang le bokgoni le borutegi jo bo siameng, le fa boradipolotoki ba ba mo dikantorong ba ka tlogela go kgoreletsana le tsamaiso ya makgotlatoropo, pusoselegae e ka leba kwa ntlheng e e siameng mme ya dira pharologano mo matshelong a baagi. Nonceba wa dingwaga di le 87 ga a kgona go fitlhelela boitumelo jwa gagwe gongwe go nna le mafoko a go tlhalosa tebogo ya gagwe fa a ne a itsesewe jaaka mongwe wa baamogelatshiamelo ba ntlha ba letsholo la puso la go agela bagale ba sesole dintlo di le 5 000. le palotlotlo ka go tsamaisa ditlamelo ka kelotlhoko gore go tlamelwe ka ditirelo ka tsela e e nnelang leruri le go isa ditlhabololo kwa baaging. • Go aga le go tlhokomela bokgoni jo bo siameng jwa setheo le tsamaiso e e tsamaisiwang ke badiri ba ba boineelo e bile ba na le bokgoni mo magatong otlhe. • Go baya batho le matshwenyego a bona pele le go netefatsa gore go nna le kgolagano ya ka gale le baagi ka ditlamelo tse di bokgoni tsa seabe sa baagi. • Go netefatsa kelotlhoko le pegelo ya tiragatso ya kwatara mo tirong ya makgotlatoropo jaaka go kaelwa ke thulaganyo ya Re boela kwa Motheong. • Go tokafatsa botsamaisi jwa sepolitiki mo makgotlatoropong le go tsibogela ditlhokwa le diphegelelo tsa baagi ba selegae. Tona Gordhan o rile lefapha la gaabo le tla ikamanya le tsamaiso ya Re Boela kwa Motheong go samagana le dikgwetlho tse di lebaneng pusoselegae mme a itlama go maatlafatsa pusoselegae gore naga ya rona e gatele pele. Legae le lentšhwa la mogale wa sesole L ubenga, yo e nnileng mongwe wa bagale ba ntlha ba sesole ba ba supilweng mo polokelotshedimosetsong ya Gauteng, o rile o itumeletse gore puso e sweditse go tlotla karolo e ba nnileng le yona mo kgololesegong ya naga. O ne gape a dumela gore seo se tla naya tsholofelo go ba bangwe ba ba tshwanang nae, ba ba sa bolong go leta ba le kwa thoko. "Ke itumelela gore puso e iteka go siamisa go tlhoka tshiamiso ga maloba gonne jaanong le nna ke na le lefelo le le nang le seriti le nka le bitsang legae," go buile tokololo ya maloba ya mokgatlho o o neng o ileditswe, Umkhonto we Sizwe. Lubenga o ile Lusaka, Zambia, ka Diphalane 1971 mme a boela mo nageng ka 1991. Ga jaanong o nna le ditlogolwana tsa gagwe kwa Yeoville mme ga a ise a nne le ntlo mo botshelong jwa gagwe. Fela mo kgweding eno, o tla fudugela semmuso kwa legaeng la gagwe la diphaposiborobalo di le pedi kwa Fleurhof Estate, e e ipelang ka ditlamelo tsa sešweng. Fleurhof Estate ke tlhabololo ya dintlo tsa batho ba lotseno lo lo farologaneng e e fitlhelwang kwa Mmileng wa Main Reef, dikilometara di le 13 kwa bophirimeng jwa Kgaolo ya Tikwatikwe ya Dikgwebo ya Johannesburg. Lefelo leo ke karolo ya letsholo la puso la tsweletso ya tsosoloso metsesetoropo. Fa le sena go konosediwa, porojeke ya tlhabololo e tla bo e na le dintlo di feta 9 000. Go ya ka City of Joburg, nngwetharong ya tlhabololo e tla nna dintlo tsa RDP, fa nngwetharong ya bofelo e tla nna dintlo tsa bonto. Gape go tla nna le ditsha tsa ditikwatikwe tsa kgwebo tsa tiriso e e kopaneng, ditsha tsa madirelo, dikheretšhe, mafelo a thapelo, ditlamelo tsa baagi, dikolo le dibaka tse di bulegileng tsa botlhe. Tona ya Manno a Batho, Lindiwe Sisulu o simolotse letsholo, le le thulaneng le Go Agelwa Tona ya Lefapha la Manno a Batho, Lindiwe Sisulu le mogale wa sesole Nonceba Lubenga, moamogelatshiamelo wa ntlha wa ba le bararo ba letsholo la Go Agelwa ke ba Kgasodikgang. ke ba Kgasodikgang ya ngwaga le ngwaga e e lemogwang ka fa tlase ga moono wa 'Re busetsa seriti sa baganka ba maloba ba sesole ka manno a batho.' Go Agelwa ke ba Kgasodikgang e dirile gore Tona Sisulu, batho ba ba itsegeng ba bobegakgang, baamegi le baetleetsi go tswa kwa lephateng la poraefete ba semelele go aga le go penta dintlo di le tharo tsa bagale ba sesole. Tona Sisulu o rile lefapha la gagwe le ipeetse phitlhelelo ya go aga madulo a le 5 000 mo diporofenseng tsotlhe di le robongwe mo sebakeng sa dingwageng di le tharo. "Re batla go ba agela dintlo tse di nang le seriti go busetsa seriti sa bona le go tlotla karolo e ba nnileng le yona mo kgololesegong ya rona. Seno ke setlapele sa bosetšhaba," Tona o ne a rialo. O ikuetse mo baaging ba Fleurhof le mafelo a mangwe, koo bagale ba sesole ba tla nnang gona, go ba tlhokomela. "Batho bano ba neetse matshelo a bona go lwela kgololesego mme ka jalo, go botlhokwa gore re ba tlotle le go ba naya seriti." Gareng ga baetleetsi ba ba neng ba na le Tona Sisuly go ne go na le Calgro M3, First National Bank le Kansai Plascon, Lefapha la Bagale ba Sesole mmogo le City of Joburg.
© Copyright 2024